Sunday 7 April 2013

Lyrics ka Mokwadi

 






Lyrics: Selepe sa Magagane



intro
ke buile gape/
ka selepe sa magagane/
nchwe o budule/

 
ya basimane ke e nkgwe/
rona magosi re kgaba ka mebala ya nkwe/
ntwa e bolotse/
setswana sa bo rre ga o sa utwe o re botse/
ke lomilwe tsebe gatwe go nale dipoonyana/
bomreppa le banake ke le tsentse logonyana/
sampe lele bashianyana le bananyana/
moretwa fela go lela serwabi sa logonyana/
industry ya motswako e makgasa ke nosi/
kgosi go bonolo ke a itsamaela/
ke gaufi le go thafuna nchwe o budule/
 he banna! ebile peteke o ja matho/

 
motswako o tshwana phithela kgomo ya serotswana/
go ne ga retela kere ke leka ka bolotsana/
ka ema ka gopola ko ke tswang/
mafoko a bofelo a mosadi yo motswhwana a ntsetse/
are ngwanaka o le aramele le thabile/
o tshware go utwala ga dinala tsa sebatana/
nna thata tsenya pelo ya leruarua/
ka ditshele ga ba kake ba thoka go di bua/
ditontokonyane go ntse gotwe ke sule/
namane e tshethla seja kgomo kgwaana ke buile/
motswako nation ke tlo go busa ka lobaka/
hu eva doubts mi ke to mo goga ka lepara/

 
lesilo rula mo baswing o te go nthusa/
lenna ke tshwane le batho ke je ke itshuthla/
ke rakalale godimo ga nong ka diphuka/
ke gole ke nne motona ke bo ke tswe lebutswa/
.....ke monna ke a ikutwa/
poo e pherethile le dinaka nka e e thula/
ke thubaruba ee mokokoto mothamaga/
bare ke tshwana phikoko noyane ya mabalabalane/
nna lekau lele sesane/
la thupa tsa maretwa ke sutilwe ke bokhutshwane/
ha ne go kgonega nkabo kere eh sane/
repa le nna ke go supegetse dibe tsame/..

 
NB: I deliberately left out the chorus!

1 comment: